Author: Malebogo Putu
Mafelô ano a tshwanetse go tswalêlwa ka 1 motshegare ka Latshipi mme ebile a letlêlêtswe go rêkisêtsa batho ba le 50 ka nako. Mo maitekong a Puso go thibêla kanamô ya mogare wa Corona wa Covid_19 yo o padimotseng lefatshe ga jaana, ebile o goêlêditswê go nna matlhôtlhapelo mo Aforika Borwa, mafelo otlhe ao a rekisang bojalwa a laetswe gore a tswalê ka 6 maitsibowa Mosupologo go fitlha Lamatlhatsô. Ka Latshipi le malatsi a boikhutsô, mafelo ano a solofetswe go tswalwa ka 1 motshegare. Seno se latêla fa morago ga gore tshwaêtsêgô tsa Covid_19 mo Aforika Borwa di golêlê kwa…
Dikhuduêgô di latetse fa morago ga gore maloko a Palamente a makôkô a DA le EFF ba ipelaetse ka gore Moeteledipele wa Porôfênse Job Mokgoro ga a na dithata tsa go nêêlana ka puo ya Sêêmô sa Porôfênse ka ntlha ya fa tsamaiso ya Porôfênse go akaretsa le kantoro ya ga Mokgoro ka sebele, e le ka fa tlase ga tsamaiso ya Bosetšhaba. Mahikeng|21 Tlhakole 2020. Pulosemmuso ya kokoanothêômolaô ya Bokone Bophirima eo mo go yona, Mmusakgotla wa kokoanothêômolaô, Mme Susan Dantjie a neng a laleditse Moeteledipele wa Porôfênse Job Mokgoro, go tla go nêêlana ka Puô ya Sêêmô sa…
Mopresidente Cyril Ramaphosa o solofetswe gore fa gautshwane a nêêlane ka puo ya Sêêmô sa Setšhaba ya 2020, #SONA2020. #SONA2020 ke puo eo ka yona Mopresidente a tlhagisang maanô ao Puso e ikaeletseng go tokafatsa bophelo jwa baagi ka ona mo ngwageng wa 2020. Lêbêlêla puo ya ga Mopresidente ka tlhamalalô mo videong e e fa tlase.
Bagaetsho go rileng? Ke eng tota? Tseno ke dipotso tseo motho o ka felêlêtsang o di ipotsa fa o utlwa gore ngwana o beteletse le go bolaya motsadi wa gagwe. Tiragalô e e maswê eno ya matlhabisaditlhông, go begwa e diragêtse kwa Rietvale, Modderriver; Kapa Bokone ka Latshipi 02 Tlhakole 2020. Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi Brigadier Ramatseba, mmelaêlwa wa dingwaga di le 36 o ne a ntse le motsadi wa gagwe wa dingwaga di le 51 ba nwa mofeine ka fa tlase ga setlhare ka maabanyane. Go begwa fa mmelaêlwa a ne a simolola go betêlêla motsadi wa…
Kgabagare mapodisi a Kimberley a begile fa a tshwere mmelaêlwa wa dingwaga di le 33 ka ditatofatso tsa go gwêba ka diritibatsi. Mapodisi a tlhalositse fa mmelaêlwa a tla tlhagêlêla fa pele ga kgotlatshêkêlô fa gautshwane go arabêla ditatofatso tseno. Mapodisi a Kimberley a tswetse seo a se tlhalositseng fa e le bodirêlô ba diritibatsi gompieno, 18 Ferikgong 2020. Go ya ka pegêlô eo e rêbotsweng ke Mapodisi tiragalô eno e latetse fa morago ga gore ba nêwê tshedimosetso ka flat eo e neng e belaetsa gore go dirwa diritabatsi kwa go yona. Go ya ka Lt Col Dimakatso Mooi,…
Mosetsana wa kwa Mogajane yo gape e leng moithuti kwa sekolong se segolwane sa Mmanape, o ya go êmêlêla Aforika Borwa kwa kgaisanong ya 2020 Rising Stars kwa nageng ya Georgia kwa Europa go simolola 17 – 19 Ferikgong 2020. Hey Olerato. Malebogo here from DKGN24. Hii How are you Ole? I am great, thanks, and you? Thats lovely. You enjoying Georgia? YesJust arrived ❤😌 um sooo tiredHad to catch two flights Waitse mo tlhaloganyong ya me, Georgia ke gopotse USA, ke kae ko Georgia? Georgia e mo Europe Alright, ke kopa o ikitsise gore ke wena mang, le gore…
Well.. I always had the thought of walking down the ramp from the age of 8, that was in 2008. But I believed my time would come.In 2016, I was 16 years old, that’s when I saw that my passion lies in modelling.. I did my research and practiced throughout the year, with my mom as my mentor.. that is why I began pageantry in 2017..Now I will not stop at anything until I see myself at the phase where our former Miss SA, Zozibini Tunzi is at and even further. Gae ke kae and how do you feel about…
Ko gae ke kae and how do you feel about being crowned Teen Queen? I’m a young self-driven teenage girl and I’m from Wonderkop. Being crowned as a Queen is an achievement for me because I’ve always wanted to experience how it feels like to be a Queen, mostly an Ambassador of Taylor Events & Miss Universe Northwest. Take us through all the pageants you entered and the highlights and generally about how it has been This was my first pageant. Take us through the lessons that you have learned and the challenges you encountered and how you overcame those…
Baagi ba Welgeval gompieno 14 Sedimonthole 2019, ba ne ba tshwere tirêlô go gopola dingwaga di le 40 fa ba sale ba ntshitswê ka dikgoka kwa lefatsheng la bona mo losing la noka ya Madutle mo tikologong eo mo go yona go agilweng mafelô a bojanala ao a akaretsang serapa sa diphologolo sa Pilanesberg le lefelo la borobasôkô la Sun City. Molêtlo o ne gape o tsenetswe ke baemedi ba Puso go akaretsa Mokhuduthamaga Keenetswe Mosenogi wa Lefapha la Tswêlêtsopele ya Itsholêlô, Tikologo, Tshomarêlô ya Tlhago le Bojanala, North West Parks Board le ba bangwe. Ketekômolêtlo eno e ne e…