Mapodisi a Botswana a tshwere batho ba le bane mme ba ba pega molato tebang le tsietsa mogodi wa kwa Ramotswa madi a gagwe a go tswa mo tirong ka ntlha ya bogodi. Go ya ka Mapodisi, madi ao mogodi a tsieditsweng ona ke 1.4 Million Pula.
Babelaelwa ke Bame Wendy Lebo Senna wa dingwaga di le 35 go tswa Tlokweng; Leatile McPherson Motshabi wa dingwaga di le 36 go tswa Mochudi; Emmanuel Gaetwesepe wa dingwaga di le 40 gammogo le Orebotse Masala wa dingwaga di le 35 bao ka bobedi ba tlhagang kwa Mokatse.

Go ya ka Mapodisi, babelaelwa ba leletswe ke ditshipi ka 09 le 10 Lwetse go latela dipatlisiso tsa Mapodisi.
Bone jono bo tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya Selegae ka 11 Lwetse ba lebanwe ke molato wa tsietso. Ba ne ba busediwa kwa ntlolefitshwaneng mme ba tla lebagana le kgotlatshekelo gape ka 22 Lwetse.

Dipatlisiso tsa Mapodisi di supa gore babelaelwa, gammogo le ba bangwe bao ba santseng ba batliwa, ba itlhagisitse kwa motswasetlhabelong jaaka badiri ba banka. Ba ne ba bolelela motswasetlhabelo gore ba mo thusa ka go siamisa tshedimosetso ya gagwe eo banka e nang le yona, mme ka go dira jalo, ba kgona go fitlhelela tshedimosetso ya gagwe eo e ba kgontshitseng go tsaya 1.4 Million Pula wa gagwe mme ba e fetisetsa mo dibankeng tsa bona.

Go ya ka Sebueledi sa Mapodisi, Near Bagali, Mapodisi a kgonne go latisisa bontlhanngwe jwa madi ao a utswitseng mme dipatlisiso di tsweletse go batlana le magodu a mangwe le go bona madi otlhe a mogodi a tsieditsweng ona.

Mapodisi a ikuela kwa baaging gore ba ele tlhoko bosenyi jwa mofuta yono le gore fa ba belaela gore mongwe o batla go ba tsietsa, ba itsise dibanka tsa bona kgotsa ba begele mapodisi.
